MAITLAMO A BAM LE BCP: 2009–2014

 

                   TSELA PEDI GO TSEWA E FE?

PUSO YA BATHO KA BATHO LE ITSHOLELO

E E LOLAMENG, KGOTSA BOGATELEDI LE

GO PHUTLHAMA GA ITSHOLELO?

Diteng

 

6 / Ketapele ka Tautona wa BCP

8 / Matseno

11 / Karolo Ya Ntlha:

12 / Tse di di gogang ko pele - Go batla boswa

jwa puso ya batho ka batho

13/ 2.1 Go batla tshwanelo ya batho go dira se ba se batlang

14 / 2.2 Go tlhabolola makalana a puso ya batho ka batho

15/ 2.3 Twantsho tshenyetso-setshaba

16 / Karolo Ya Bobedi:

17 / Go diragatsa lenaneo la tekatekanyo ya itsholelo

18 / 3.1 Go tswakanya itsholelo ka go dira ditiro le go fedisa lehuma

19 / 3.2 Go dirisa bojanala gore bo nne le dipoelo

20 / 3.3 Go godisa ditlhabololo tsa magae ka lekalana la temo-thuo

22 / Karolo Ya Boraro:

23/ Go rotloetsa lenaneo le le itebagantseng

le matshelo a batho

23/ 4.1 Go diragatsa lenaneo la botsogo le le nonofileng

24 / 4.2 Go fefosa go tsibogela HIV le AIDS

25/ 4.3 Go diragatsa gore thuto e e botlhokwa e bonwa ke botlhe

26 / 4.4 Go nna le bodiredi jo bo ipelafatsang go nna le seabe mo

tswelelopeleng ya bosetshaba

27 / 4.5 Go rotloetsa bonno jo bo sireletsegileng e bile bo

siametse mongwe le mongwe

28 / 4.6 Go diragatsa lenaneo le le akaretsang botlhe la tsa matshelo

29 / 4.7 Go neela dithata ba ba saletseng ko morago

29 / 4.8 Go tlhabolola le go neela banana dithata

30 / 4.9 Go tokafatsa thulaganyo ya go neela setshaba ditirelo

31 / Karolo Ya Bone:

32 / Go tokafatsa itshireletso le tirisano ya mafatshe

32 / 5.1 Go lwantsha borukutlhi le itshireletso ya botlhe

33/ 5.2 Lefatshe la Botswana le mafatshe a sele

35/ Mokono ka Tautona wa BAM

// KETAPELE

Ditlhopho tsa ngwaga wa 2009 e tla nna sebaka se sengwe sa gore batho ba dirise ditlhaloganyo tsa bone go akanya ka bokamoso jwa bone le jwa bana ba bone.

Setshaba sa rona ka boammaruri se mo dipharagobeng. Re na le sebaka sa go tlhopha phathi ya BDP go tsweledisa go phuthama ga puso ya batho ka batho, ditshwanelo tsa setho le kgonagalo ya go phuthama ga itsholelo. Ka na re ka tlhopha go sireletsa puso ya batho ka batho le seemo sa itsholelo ka fa tlase ga tirisano ya Botswana Alliance Movement(BAM) le Botswana Congress Party(BCP) ga mmogo le leloko le le faphegile la New Democratic Front (NDF).Ka go bona ka fa seemo sa lefatshe la rona se sa jeseng di welang ka teng, diphathi ka bobedi di ne tsa bona gore di bereke mmogo go sireletsa setshaba mo tlhakatlhakanong.

Dikakanyo tsa bopelotshetlha tsa phathi ya BDP tsa go nnela ruri mo pusong go sa kgathalesege gore seemo ke sefe, go dirile gore ba tsise Ian Khama le masole mangwe a maemo a a kwa godimo mo dipolotiking. Gompieno, tekeletso ya pathi ya BDP ya go dira ka masole e itshupile mo nakong e khutshwane gore e kgatlhanong le se Batswana ba ntseng ba se emetse. Ditso tsa rona tsa go itsege re le batho ba kagiso, ba kgolelesego, ba tsaya karolo mo pusong ya batho ka batho e bile ba tlotla matshego a puso ya batho ka batho di nyelela ka bofefo.

Setshaba sa rona se tshelela mo letshogong. Mohama wa kgwebo ga o a iketla ka melawana e e sa itsagaleng e bile go sena therisanyo e e dirwang. Mananeo le ditsamaiso di akanngwang di bo di diragadiwa ke motho a le mongwe . Motswana ga a kgone go tsamaya ka tshosologo mo mekgwatlheng ka gore o tshogela botshelo jwa gagwe mme e se ka ntlha ya dirukutlhi, e le fela ka ntlha ya go boifa barongwana ba puso.

Sebaka sa go bua ka kgololesego se wela tlase ka tsela e e gakgamatsang. Malapa le ditsala ga ba sa tlhole ba tlotla mmogo ka tshosologo. Mongwe le mongwe o boifa yo mongwe e se re gongwe e le wa lekalana le le tshabegang thata la itshireletso (DIS). Mapolotiki mo phathing ya BDP le ko ntle ba nna ka letshogo. Ba nna fela ba iketse tlhoko e se re gongwe ba tena bagolo mme ditlamorago e nne tse di botlhoko go tswa mo masoleng.

Nako ya tebelopele le tsamaiso ya ditlhabololo tse dirulagantsweng e fedile. Lenaneo la ditlhabololo la NDP le e ntseng e le tsela ya go supa ditlhabololo tsa lefatshe e emiseditswe ka go ntsha taolo go tswa ko go Tautona. Go tshwana fela le tiriso ya madi a setshaba e a sa e tseyeng tsia.

Bohutsana bo atametse ka bofefo. A re bo lwatshe bo ise bo re apare. Fa re palelwa ke go tsaya kgato, ditlamorago tsa teng ke tse di tshosang. Puso e ya batho ka batho e tla nyelela mme bana ba rona ba je boswa jwa lefatshe le le kgautlhanyeng

go ka le tshwantsha le seemo sa la baagisanyi ka fa bokone.

Fa e kare ka kgwedi ya Diphalane re bo re ya le moono wa ga Khama re tla a bo re emisa kgololesego. Re tla a bo re tsena mo seemong sa go thuphiwa, go nyelediwa ga mapolotiki a kganetso le ba ba leitlho le ntshotsho go tswa mo go yone BDP, mo diphathing tsa kganetso le mo bodireding. Bobegadikgang bo tla a bo bo sena dithata mme babegadikgang ba tla a tshwarwa. Ka ko dikgotlatshekelong ditshwetso tsa bone di sa tsewe tsia, mme go di feta tsotlhe, go ikemela ga bommakaseterata le baatlhodi go tla a nyelela. Re tshwanetse go tlhopha BCP go sireletsa bokamoso jwa bana ba rona le go tlotla ba thai ba lefatshe la rona.

Tshaba e e kopanyeng, e itlhokomolosa dipharologanyo tse di senang mosola tsa sepolotiki mme e bile e eteletsa lefatshe ko pele ga e ka ke ya fenngwa. Re batla go tsaya sebaka se go kopa batho botlhe mo diphathing ka go farologana go dirisa bomolemo jwa go tlhophela mo sephiring go tlisa diphetogo mo lefatsheng.

Re batla gore Batswana lotlhe lo eme nokeng lekoko la BAM le BCP ka tlhopho ya lona..

Gilson Saleshando

Ntlhopheng wa Botautona ( BAM-BCP)

1

TSHIMOLOGO

Sireletsa puso ya batho ka batho ka go netefatsa gore BDP e a fenngwa

Sireletsa puso ya batho ka batho ka go fenya BDP

Maitlamo a ke maiteko a tirisanyo a diphathi tse di tshwaraganyeng go tsenelela ditlhopho. Tumalano e ke maiteko a go araba selelo sa Batswana sa go eletsa diphathi tsa kganetso di dirisanya mmogo go tlisa pharaloganyo go na le tsamaiso ya BDP e e kgokgontshang Batswana. Tirisano mmogo e e tsile ka nako e e siameng ka setshaba se lebaganwe ke namane e tona ya dikgwetlho tsa poelo morago ya se ba neng ba se ngangatletse mo pusong ya batho ka batho. Se se raya gore Batswana botlhe, go sa kgathalesege gore ke ba phathi efe, ba eme ka dinao ba supe ka go tlhopha go leka go somarela puso ya batho ka batho gore re kgone go fenya BDP.

Taletso ya ga Khama mo polotiking ke ba BDP ka Moranang wa ngwaga wa 1998 le go ikanisiwa ga gagwe go nna Tautona kgwedi ya Moranang e rogwa ka 2008 e nnile poelamorago mo ditsong tsa lefatshe la rona. Ka nako eo, Tautona yo a sa itlhophelwang, a sena motlhala ope wa polotiki le puso ya batho ka batho, o ne a susumediwa mo bathong. Molao-motheo o thusitse ka go fa ba BDP sebaka sa go nna makunutu mo sephiring go leka go lwantsha dintwa tsa makgamu tse di mo phathing ya bone.

Fa a tsaya marapo, Khama o ne a supa tsela ya gagwe e a neng a sa e tseye mo mananeong a phathi kana mo mokwalong mongwe wa bone mme e tswa fela mo phefong. O ne a bolelela setshaba se se neng se etsaetsega gore o tla a tlotla puso ya batho ka batho, o tla a busa sentle a bo a sala morago tsamaiso ya molao. Ga a bua sepe ka therisanyo e e ntseng e le yone ba beileng mo go yone pele ga a tsaya puso mo tsamaisong ya phathi ya gagwe. Mo boemong jwa therisanyo go ne ga gatelelwa boikobo (discipline), lefoko le le tlotlegang thata ko sesoleng le totatota le rayang go ikoba mo go feteletseng mme e bile le tshwanetse go tlhaloganngwa ka one mokgwa oo. Mme kana selo se ga se tsamaelane le puso ya batho ka batho. O ne a bolelela setshaba gore o tsenetse sesole go sireletsa puso ya batho ka batho, mme jaanong ditiro tsa gagwe tsone di supa se se farologanyeng fa e sale a nna Mothusa Tautona dingwaga tse di lesome, le Tautona go simolola ngogola.

Fa o lebelela kwa morago, dikgwedi di le boferabongwe a sena go etelela lefatshe, motho ga a kake a dumela gore lefatshe la Botswana ntse ke lone le le la dingwaga tse di fetileng. Le fetogile ka bofefo jo bo gakgamatsang. Phathi ya BDP e fetotswe go nna sedirisiwa sa go itlhokomolosa molao-motheo o o somaretseng tshireletsego ya setshaba. Palamente e ne ya fokotswa dithata mme ga salwa morago megopolo ya bagolwane ba phathi (party caucus) mme maloko a ne a gakgamala a bo a tlelwa ke boitlhobogo ka go tshaba go ntsha megopolo. Se, se ne sa dirwa go sa elelelwe gore melao e e dirwang ke Palamente e sireletsa maloko a Palamente mo go kgaosetseng ka fa ba batlang go dira ditiro tsa bone ka teng. Lefatshe le nna mo letshogong, ga mmogo le baemanokeng bangwe ba BDP. Batho ba simolola go buela ko tlase mo dibareng, mo meleng ya dipolokelo le mo dikolong ka go goroga ga lesole. Pele maloko a maemo a a kwa godimo a BDP ba ne ba kile ba gakolola o kare ba mo dinyaong gore Tautona yo mosha o kgatlhanong le mekgwa le tsamaiso ya puso ya batho ka batho jaaka ba ne ba e itse.

Mo sebakeng se se khutshwane , selo se setshaba se ntseng se le motlotlo ka sone , e leng Palamente ya rona e didimaditswe! Ba ba neng ba tsibosa setshaba e ne ya nna didirisiwa tsa khuduthamaga. Ka lorato e bile go sena tsapa ba ne ba sala morago ditaelo jaaka di tla. Ga go a ka ga nna le lefoko lepe le le tswang go motsamaisa -dipuisano tsa Palamente, yo e leng ene moeteledipele wa Palamente. Ke matlhabisa ditlhong! Ka nako nngwe Palamente e ne ya tshosediwa, ya tsenngwa mo taolong , ya fokotswa dithata. Se se latelang e ne ya nna molao wa bobegadikgang wa ngwaga wa 2008. Lefatshe la Botswana le simolotse loeto

le ba le bantsi ba neng ba sa le akanya; loeto le le isang ko tsamaisong ya bogateledi. Tse ke dikgato tse di tserweng ke mafatshe a a paletsweng.

Lenaneo la ga Khama ke la go itlhokomolosa molao-motheo, melao ya rona, makalana a puso, le tsamaiso ya puso ya batho ka batho. Morago fela fa a sena go ikanisiwa , lekalana la go tsaya ditlholwa la sephiri la DIS le ne la tlhomamiswa. Lekalana le le ne la etelelwa pele ke mokaulengwe wa ga Khama go tswa ko sesoleng. Badiri ba lone ka bontsi ba tswa mo BDP. Mo nakong e e sa fediseng pelo , batho ba simolola go lela ka lone jaaka go ntse le dipolao tsa batho gape le lwa le sepodise jaaka go ne go itlhokomoloswa kgololesego ya setshaba. Se se gopotsa motho nako tsele tsa puso ya tlhaolele. Gape re tshoga gore gongwe le gongwe jaaka ko malapeng, merakeng,diofising ,dikolong , dikerekeng go reediwa dipuisano tsa batho mo megaleng e se ka fa molaong gore dikgang tse tsa batho di isiwe ko go ba di ba lebanyeng gore ba go tsewang gore ga ba sale morago ditaelo ba tseelwe dikgato kana ba senngwe, e ka tswa e le ka sepolotiki, itsholelo kgotsa sebele sa motho.

Mo kgannyeng ya itsholelo, Khama, ntle le tumalano le Palamente, ka boene fela o ntsha madi a go simolola mananeo a go leka go reka ditlhopho. Ka go dira jalo o ne a itlhokolomosa kgakololo ya Tautona wa pele, Festus Mogae, yo nako ya gagwe o ne a sena sepe le go ithatisa batho ka gore tsela eo e re ntswa e nale ba ba tla a e tlotlomatsang ko bofelong e nale ditlamorago tse di botlhoko. Se se ne sa dira gore kakanyetso ya tiriso ya madi e wele tlase thata ka ngwaga wa 2009 le 2010. Se, se ne se dirwa go ntse go ikgatholositswe seemo sa lefatshe ka bophara se se sa iketlang. Go tshwanetswe ga lemogwa gore e re ntswa seemo sa itsholelo se sa iketla jaaka se supiwa ke go kgaolwa ga batho mo ditirong, le go emisiwa ga koketso ya dituelo tsa badiri, seemo se se eteletswe ke tiriso ya madi botlhaswa ka go leka go itumedisa batho.

Boeteledipele jwa ga Khama bo simolodisitse seemo se se thata sa kgwebo mo Botswana jaaka go itshupile ka lekgetho la bojalwa mme go sa rerisiwa ba ba amegang. Se se raya gore ba ba neng ba kgatlhegela go ka tla go simolola kgwebo mo Botswana ba akanye go lebelela seemo pele kana ba ikele ko mafatsheng a mangwe a melawana ya teng e ka nnang le lesedi la gore go tla a diragalang.

Polelwana e e bolelwang ke temana e, e motlhofo; ke polelwana ya lefatshe le le mo marakanong a ditsela. Re na le gone go itlhophela. Fa ditlhopho di tla ka kgwedi ya Diphalane ngwaga ono wa 2009, go sa kgathalesege gore re ba phathi efe, re tshwanetse ra ikgethela gore a re somarela le go rotloetsa bagateledi le go latlhela isago ya bana ba rona manong, kana go ema mmogo re le Batswana re bo re re, ka tlhopho ya rona re ganana le puso ya bogateledi, re tla a bo re bolokile puso ya batho ka batho. Fa e le rona ba tirisanyo ya diphathi tsa kganetso, ga re ka ke ra ineela mme re tla a lwa jaaka re ka kgona go sireletsa puso ya batho ka batho, e bile re a itse gore makgolokgolo a maloko a BDP ba ba ratang kgololesego batla a lwa ntwa e le rona. Ka jalo, Khama o tla a lemoga fa a se mo tsamaisong mme a simolole go tlotla molao-motheo, melao le ngwao ya rona.

Maitlamo a, a tlisa mananeo a a ka emisetsang a BDP. A tlisa tsela e ka yone puso ya tirisano a tla a nnang ka teng. Mo karolong ya ntlha [Section A] re supile tse di gogang ko pele ka go bua ka go busetsa le go sireletsa matlotlo a puso ya batho ka batho. Mo karolong ya bobedi [Section B] re supa melawana ya rona ya tsamaiso ya itsholelo, re bo re a ma le tse di amang matshelo a batho mo karolong ya boraro [Section C]. Ko bofelong, mo karolong ya bone [Section D]re supa ka fa re yang go lwantsha borukutlhi ka teng, le go tsholetsa seemo sa lefatshe la Botswana fa gare ga ditshaba tsa mafatshe a sele

KAROLO YA NTLHA

2

Tse di di gogang

ko pele - Go busetsa mokgwa wa puso ya batho ka batho

Tse di di gogang ko pele -

Go busetsa mokgwa wa puso ya batho ka batho

E sale ka boipuso, mebuso ya BDP ka go latelana ga yone e ntse e leka go nyenyefatsa puso ya batho ka batho. Ya gompieno puso yone e tsweletse ka go nyeletsa puso ya batho ka batho ka bofefo jo bo gakgamatsang . Mo pusong ya ga Khama, go bua ka tshosologo go baka mathata. Ba ba leitlho le ntshotsho ba a didimadiwa. Mongwe wa l